2 Timothy 2

1Oo, Timotheo, morwaaka, tia mo nonofong e Keresete Jesu o go e neileng. 2Gonne o tshwanetse go ruta ba bangwe dilo tse wena le ba bangwe lo nkutlwileng ke bua ka tsone. Ruta batho ba ba ikanyegang boammaaruri jo bogolo jo le bone ba tlaa bo rutang ba bangwe.

3Tsaya seabe sa gago sa go boga jaaka lesole le le siameng la ga Jesu Keresete, fela jaaka ke dira, 4mme jaaka lesole la ga Keresete o se ka wa itlhakatlhakanya le dilo tsa selefatshe, gonne ga o kake wa itumedisa ene yo o go kwadileng mo mophatong wa batlhabani ba gagwe. 5Latela melao ya Morena go dira tiro ya gagwe, felajaaka mosiani a ka latela melao kgotsa a bonwa molato mme a tlhoke go gapa sekgele. 6Dira thata, jaaka molemi yo o duelwang sentle ka go roba thobo e kgolo. 7Akanya ka ditshwantsho tse tharo tse, mme a Morena a go thuse go tlhaloganya gore di amana jang le botshelo jwa gago.

8O se ka wa lebala ntlha ya botlhokwa ya gore Jesu Keresete e ne e le Motho, wa lotso lwa ga Kgosi Dafide; le gore e ne e le Modimo, jaaka go supilwe ke boammaaruri jwa gore o tsogile gape mo baswing. 9Ke ka ntlha ya gore ke rerile boammaaruri jo bogolo jo, ke gone ka moo ke leng fano mo matshwenyegong ebile ke tsentswe mo kgolegelong jaaka serukhutlhi. Mme Lefoko la Modimo lone ga le a golegwa, le fa nna ke golegilwe. 10Ke rata thata go boga, fa moo go ka tlisa poloko le kgalalelo ya bosakhutleng ka Keresete Jesu mo go ba Modimo o ba tlhophileng.

11Ke gomoditswe ke boammaaruri jo, gore fa ke boga re bo re swela Keresete go raya gore re tlaa simolola go nna le ene kwa legodimong.

12Mme fa re a kanya gore go mo direla ka nako eno go bokete, gakologelwang gore letsatsi lengwe re tlaa nna Nae re bo re busa Nae. Mme fa re lesa ka ntlha ya go boga, re fularela Keresete, mme le ene o tshwanetse go re fularela. 13Mme le fa re le bokoa thata mo re se kakeng ra salelwa ke tumelo epe, o nna a le boikanyego mo go rona ebile otlaa re thusa, gonne ga a kake a re itatola rona ba re leng bontlha bongwe jwa gagwe, mme o tlaa diragatsa ditsholofetso tsa gagwe mo go rona ka malatsi otlhe.

14Gakolola batho ba gago dintlha tse dikgolo tse, mme ba lae mo leineng la Morena gore ba se ka ba ganetsanya mo dilong tse di sa tlhokegeng. Dikganetsanyo tse di ntseng jalo di a timetsa ebile ga di na mosola, ebile di a bolaya. 15Dira thata gore Modimo o tle o go reye o re, “O dirile sentle.” Nna modiri yo o siameng, yo o sa tlhokeng go tlhabiwa ke ditlhong fa Modimo o tlhatlhoba tiro ya gago. Itse se Lefoko la One le se buang le se le se rayang. 16O tshabe dikgang tsa boeleele tse di gogelang batho mo sebeng sa go galefelana. 17Dilo di tlaa buiwa tse di tukang di bile di utlwisa ntho e e kekelang Humenaio le Feleto, mo go rateng dikganetsanyo, ke batho ba ba ntseng jalo. 18Ba tlogetse tsela ya boammaaruri, ba rera maaka a gore tsogo ya baswi e setse e diragetse; ebile ba koafaditse tumelo ya bangwe ba ba ba dumelang.

19Mme boammaaruri jwa Modimo bo nitame jaaka lefika je legolo, ebile ga go na sepe se se ka bo tshikhinyang. Ke lefika la motheo le le nang le mafoko a mo go lone: “Morena o itse ba tota e leng ba gagwe,” mme “motho yo o ipitsang Mokeresete ga aa tshwanela go dira dilo tse di sa siamang.”

20Mo lwapeng lwa mohumi go na le dijana tse di dirilweng ka gauta le selefera le tse dingwe di dirilwe ka logong le ka letsopa. Dijana tse di tlhwatlhwa kgolo di dirisediwa baeng, mme tse di tlhwatlhwa e potlana di dirisiwa mo tlung ya kapeelo kgotsa go tsenya matlakala. 21Fa o fularela sebe o tlaa nna jaaka sengwe sa dijana tse di dirilweng ka gauta e e itshekileng, tse e leng tsone tse di siameng mo tlung, gore Keresete a tle a go dirisetse maikaelelo a gagwe a magolo.

22Tshaba sengwe le sengwe se se ka go nayang dikgopolo tse di bosula tse makawana gantsi ba nang le tsone, mme o nne gaufi le sengwe le sengwe se se go dirang gore o batle go dira tshiamo. Nna le tumelo le lorato, mme o nne botsalano le ba ba ratang Morena ebile ba na le dipelo tse di itshekileng.

23Gape ka re, o se ka wa tsena mo dikganetsanyong tsa boeleele tse di tsosang kgang mo bathong di bo di ba galefisa.

24Batho ba Modimo ga ba a tshwanela go omana; ba tshwanetse go nna tshiamo, e le baruti ba ba pelotelele mo go ba ba molato.

25Ikokobetse fa o leka go ruta ba ba akabalang mabapi le boammaaruri. Gonne fa o bua le bone ka bonolo le ka maitseo ka thuso ya Modimo, go ka diragala gore ba tlogele megopolo ya bone e e sa siamang mme ba dumele se e leng boammaaruri. 26Mme ba tlaa itharabologelwa mme ba falole mo serung sa botlhanka sa ga Satane sa go leofa, se o se dirisang go ba tshwara ka nako nngwe le nngwe e o e ratang, mme jalo ba ka simolola go dira go rata ga Modimo.
Copyright information for TsnLEF